Bosiamisi ba Kagosea - go fodisa dintho tsa bosenyi, go direla baagi ba ba babalesegileng
Matseno
Ka fa gare ga tsela ya bosiamisi jwa bosenyi, ditiro tsa bosenyi di dirwa segolo le tsona ke mokgwa wa tsela ya bosiamisi ba tuediso. Fale o bonwa molato ke kgotlatshekelo ya molao, batlolamolao ba otlhaiwa ka mokgwa wa go atlholela nako ya tlhokomelo ya tshiamiso, nako ya kgolegelo, tuelo ya tefiso kana kopano ya maitlhophelo a kotlo e.
Lefapha la Tirelo ya Tshiamiso, le gale le sweditse go tlhagisa kakanyo ya Bosiamisi ba Kagosea jaaka setlhokwa segolo. Tlhagiso e, e theilwe mo go tlhaloganyeng bosenyi jaaka kgato kgatlhanong le motswasetlhabelo le baagi mme e ikaelela go fodisa theo ya makoa mo tiregong ya bosiamisi ba bosenyi. Ga e a ikaelela go emela bosiamisi ba paakanyo mo nakong e khutshwane mme bogolo kwa go nonotsheng tirego ya bosiamisi.
Bosiamisi ba Kagosea ke eng?
Ka fa gare ga diteng tsa Ditirelo tsa Tshiamiso, Bosiamisi ba Kagosea bo ka tlhalosiwa jaaka karabo ya kagosea mo bosenying. Bo gatelela botlhokwa ba seabe sa batswasetlhabelo, bamalapa le maloko a baagi ka go ba tsenya ka mafolofolo mo tiregong ya bosiamisi. Bo ikaeletse gape kwa go tsholeng batlolamolao go nna le maikarabaelo ka tlhamalalo mo bathong ba ba ba tshwentseng le kwa go busetseng ditatlhegelo le kotsi e e bonweng ke batswasetlhabelo. Bo tlamela thono ya tetlanyo, puisano, therisano le go rarabolola bothata tse di ka isang kwa pholong, kakanyong e kgolwane ya pabalesego le pusetsogape e e oketsegileng ya motlolamolao mo teng ga baagi.
Ga go na tlhaloso e e nosi e e ka akaretsang gotlhe ga diponalo tse di leng teng mo kakanyong ya Bosiamisi ba Kagosea, fela ditlhaloso tse di latelang ka bathati ba babedi mo kgannyeng di a sedimosa :
Bosiamisi ba Kagosea bo gatelela botlhokwa ba go tsholetsa seabe sa batswasetlhabelo le maloko a baagi ka kamego ya mafolofolo a mantsi mo tiregong ya bosiamisi, go rwesa batlolamolao maikarabelo ka tlhamalalo mo bathong ba ba ba tshwentseng le go tlamela dithono di le mmalwa tsa puisano, therisano le go rarabolola bothata, tse di ka isang kwa kgopolong e kgolwane ya pabalesego ya baagi, kutlwano ya loago le kagiso ya botlhe ba ba amegang." Mark Umreit : 1996
Bosiamisi ba Kagosea ke tsela ya go dira bosiamisi gore pholo e kgone go nna teng mme seno se tsenyeletsa dielemente tsa botlhokwa tsa : go bitsa go tla go arabela tiro ya mong; poelano; go dira ka se se neng sa fosagala; go dira ka kotsi ya bosenyi, mme gape ka kotsi ya tirego ya bosenyi, mme gape ka kotsi ya tirego ya bosiamisi ba bosenyi." Lorraine Berzins : 1996
Bosiamisi ba Kagosea bo farologane gotlhelele go tswa bosiamising ba tuediso. Ke bosiamisi bo bo bayang maatla mo isagong, e seng mo go se se fetileng. Bo lebelela mo go se se tlhokang go alafiwa, se se tlhokang go duelwa gape le se se tlhokang go ithutiwa mo tlhagelelong ya bosenyi. Bo lebelele se se tlhokang go tlisiwa fa e le gore dilo tse di jalo ga di a tshwanela go diragala gape.
Go sa kgathalesege gore bo dirwa jang, Bosiamisi ba Kagosea bo bontsha tumelo ya gore bosiamisi bo tshwanetse go, go fitlha kwa maemong a a kwa godimo mo go kgonegang, bo dire dilo tse tlhano e bong :
go gwetlha botsayakarolo bo bo tletseng le tumalano;
go batla maikarabelo a a tletseng a tlhamalalo;
go fodisa go go robilweng;
go kopanya go go kgaogantsweng; le go tiisa baagi go thibela go utlwisiwa botlhoko go ya pele.
Ditshiamelo tsa Bosiamisi ba Kagosea
Bo lebelela ditiro tsa bosenyi mmogo go feta - e seng fela jaaka tlolo ya molao mme gape jaaka kotsi e e tliseditsweng batswasetlhabelo
Bo akaretsa ditlhopha tse dimmalwa - e seng fela mmuso le motlolamolao mme gape motswasetlhabelo le baagi
Bo lekanyetsa katlego ka go farologana - go na le go lekanyetsa gore ke kotlo e e kana kang e e biditsweng, bo lekanyetsa gore kotsi ke e e kana kang e e siamisitsweng kana e e thibetsweng
Bo lemoga botlhokwa ba baagi mo tsibogong ya bosenyi go na le fela go tlogela bothata ba bosenyi mo mmusong o le esi
Bo tshotse ditshiamelo tse di tlhomameng tsa :
Batswasetlhabelo - ka mokgwa wa tetlanyo, batswasetlhabelo ba ka amogela puseletsoditshwanelo, pusetso le go fola
Batlolamolao - motlolamolao o agisanngwa le , le go busediwa gape mo baaging
Malapa - malapa a amogela puseletsoditshwanelo, pusetso le go fola
Baagi - kgonego ya go ya tlase mo kelong ya bosenyi le phokotsego mo tlolomolaong gape ya batlolamolao
Ditirelo tsa Tshiamiso - phokotsego e e kgonegang mo tlalong ya batho le poelobosenying, kgonego e e oketsegileng ya botsayakarolo ba motlolamolao mo mananeong a tsosoloso le koketsego ya kamego ya baagi.
Dipoelo tse di solofetsweng
Tsa batswasetlhabelo :
Tuelogape ya ditatlhegelo tsa matheriale
Kakanyo ya kamogelo ya kotsi e e tlhagisitsweng le bokana bongwe ba tshiamiso le kagisanyo
Tsa baagi :
Sebaka se se oketsegileng sa go amogela le go kopanya batlolamolao
Kamego e e oketsegileng le go tlhaloganya tsela ya bosiamisi ga maloko a baagi
Kakanyo ya motlolamolao a dirile bokana bongwe ba ditlhabologo
Maemo a a fokotsegileng a letshogo
Tsa motlolamolao :
Temogo e e oketsegileng ya kutlwalo ya bosenyi mo bathong ba bangwe
Sebaka se se oketsegileng sa batlolamolao go abela baagi mo go utlwalang
Maemo a thuto a a kwa godimo le dikgono tsa tshupetsokgono ya ditiro, loago le go dira ditshwetso
Kgopolo ya mong le kgopolo ya phatlalatsa e e tokafetseng ya motlolamolao
Kakanyo e e oketsegileng ya go nna mongwe wa baagi
Kabelo e e tokafetseng ya baagi go ya motlolamolaong
Ke mananeo afe a a bonelwang pele go nna karolo ya Bosiamisi ba Kagosea?
Mananeo a a latelang a tlhomame go bopa karolo ya tirego ya Bosiamisi ba Kagolea :
Tetlanyo le puisano ya Motswasetlhabelo - Motlolamolao
Go khonferensa ga Setlhopha sa Lelapa
Ditirelo tsa mong kwa batswasetlhabelong
Tirelo ya Baagi
Maitshwarelo a a kwadilweng kana a molomo go batswasetlhabelo le batho ba bangwe ba ba amegileng
Motswasetlhabelo kana diseteitemente tsa boagisani tsa kutlwalo
Go ema mmogo le motswasetlhabelo le ditlhopha tsa tshegetso
Batsayakarolo mo Tiregong ya Bosiamisi ya Kagosea
Ka ntlha ya fa Bosiamisi ba Kagosea bo theetswe mo kakanyong ya gore bosenyi bo tswa mo kotsing e e tlhagiseditsweng batswasetlhabelo, baagi le batlolamolao, go gapeletsega gore ditlhopha tsotlhe tse di maleba di tshwanetse go tsenngwa mo tsibogelong ya bosenyi. Ba ba latelang ke batsayakarolo ba ba tlhomameng mo tiregong :
Motswasetlhabelo
Motlolamolao
Baagi
Mmuso mme segolo Mafapha a Ditirelo tsa Tshiamiso, Tlhabololo ya Loago, Bosiamisi le Ditirelo tsa Mapodisa a Aforika Borwa
Mogokaganyi / motsereganyi
Malapa
Mekgatlho e e seng ya mmuso, mekgatlho e e theetsweng mo baaging le baithaopi
Ditlwaelo tsa bodithabathaba
Go na le matshwao a gore Bosiamisi ba Kagosea bo bona maatla go dikologa lefatshe. Mekgatlho ya mebusogare e tsaya ntlha ya Bosiamisi ba Kagosea. Ka 1999, Komiti ya Ditona ya Khansele ya Yuropa e tsere katlanegiso mo tirisong ya tetlanyo mo mererong ya kotlhao.
Buka ya Ithuto ya Dithaba Kopano tsa Bodithabathaba ka dintlha tsa Bosiamisi ba Batswasetlhabelo gore " letlhomeso la Bosiamisi ba Kagosea bo ama motlolamolao, motswasetlhabelo le baagi botlhe mo matsapeng a go tlhola tlhagiso e e lekalekanang e e lebagantsweng le motlolamolao le, ka nako e le nngwe, go dikologa - motswasetlhabelo. Pusetso ya motswasetlhabelo e dule ntlha e kgolo ya bosiamisi ba kagosea mo mafatsheng a mantsi a a tlhabologileng."
Kgato ya peomolao e fokoditse dikgoreletsi tsa semolao le thulaganyo go dirisa mananeo a kagosea, e tlhodile dithotloetso tsa go dirisa mananeo a kagosea, e kaetse le go bopa mananeo a kagosea le, mme e sireletsa batlolamolao mmogo le batswasetlhabelo.
Palo ya mananeo a kagosea ka bophara e a gola. Go na le go feta mananeo a tetlanyo a le 500 kwa Yuropa le go feta 300 kwa USA. Patlisiso ya mananeo a kagosea le diporojeke kwa Canada di isitse kwa maineng a a fetang 100.
Ditlwaelo tsa selegae
Kakanyo ya Bosiamisi ba Kagosea ga se selo se sea mo Aforika Borwa mme go na le mabaka mangwe koo ditheo di setseng di dirisiwa go fitlha gongwe. Tsona di tsenyeletsa:
Komiti ya Nnete le Boitshwarelano (TRC)
Komiti ya Nnete le Boitshwarelano e e itsegeng thata e e neng e lebeletse maleo otlh a a neng a dirilwe mo bathong ba Aforika Borwa, e ne e le ikatiso ya sekala se segolo mo Bosiamising ba Kagosea. E ne e emetse kamogelo ya tlhokego ya batswasetlhabelo go bona tharabololo nngwe mo maemong a bona a botswasetlhabelo ka go neela bopaki ka maitemogelo a bona le go dumelelwa go reetsa se badiri ba bosenyi kgatlhanong nabo ba neng ba se bua.
Lenaneo la Maatlafatso ya Motswasetlhabelo
Lefapha la Tlhabololo ya Loago le eteletse pele Lenaneo la Maatlafatso ya Motswasetlhabelo le le ikaeletseng go tlisa batswasetlhabelo ba bosenyi kwa bogareng ba tsela ya bosiamisi ba bosenyi. Togamaano ya Thibelo ya Bosenyi ya Bosethaba e e tlhalosang tsibogo go kutlwalo ya bosenyi mo go motswasetlhabelo. Le fa e na le seabe e seng ka tlhamalalo mo phokotsong ya bosenyi, lebaka la yona le legolo ke go tsaya ka masisi matshwenyego a motswasetlhabelo. Go dumelwa ka kakaretso gore maatlafatso ya batswaditlhabelo e fokotsa tshosetso e kgolwane, e rotloetsa tirisanommogo le tirego ya bosiamisi ba bosenyi e tiisetsa maitsholo a seloago a a eletsegang, e dira jaaka mothibeledi go batlolamolao kana batlolamolao ba bokgoni le go tlhatlosa tshegetso ya sethaba mo tseleng ya bosiamisi ba bosenyi."
Tirelo ya Baagi
Kakanyo ya tirelo ya baagi e e gapelesegang, e e dirwang ke bao ba tshwentseng sethaba ka maitsholo a bona a bosenyi, e bona tumo mo Aforika Borwa. Tirelo ya baagi ke tiro ya dikumo, e e dirwang ke batlolamolao mo tshiamelong ya baagi ba ba amegang. E ka gapelediwa mo batlolamolaong ba ba atlholetsweng dinako tsa tlhokomelo ya tshiamiso ke dikgotlatshekelo tsa molao.
Go nthafatsa tirego ya bosiamisi ya baa
Go latela ditlhabololo dingwe go Molao wa Ditirelo tsa Tshiamiso ka 1995, komiti ya ditona ya bogare e ne ya bopiwa ka taolelo ya go lebelela ka tlhamalalo kwa phetogong tsela ya tlhokomelo ya ngwana le moa mo Aforika Borwa.
Mo go kwaleng dikaelo tsa phetogo ya tsela ya tlhokomelo ya ngwana le moa, komiti e tsitsintse gore: tlhagiso kwa bathong ba baa ba ba mo mathateng ka molao e tshwanetse go tsenyeletsa : tharabololo ya kgotlhang, kamego ya lelapa le baagi mo go direng tshwetso, boitapoloso le botsereganyi bo bo theetsweng mo baaging."
Bokhutlo
Go dirana le maitsholo a bosenyi ke morero wa loago o o marara o o ka se dirweng ka nonofo ya bosiamisi bo bo direlwang bo le esi. Go fodisa dintho tsa bosenyi go ntse go na le tirego e e tlamelang dithono tsa tetlanyo, puisano, therisano le go rarabolola mathata, le motswasetlhabelo le baagi kwa bogareng ba tirego. Lefapha la Ditirelo tsa Tshiamiso le ineetse go tsamaisa tirego, fela e ikaegile mo go tlhaloganyeng le tshegetso ya batho ba naga.
A re direng mmogo mo go fodiseng dintho tsa tshenyo.
A re direng mmogo go tlhola baagi ba ba babalesegileng.
A re direng mmogo go tlisa naga e e botoka.
Tshegetsa Bosiamisi ba Kagosea mme o gase lefoko.
Kwa tlase ga tsebe ya morago
E kokoantswe le go phatlaladiwa ke Bokaedi ba Ditirelo tsa Tlhaeletsano jwa Lefapha la Ditirelo tsa Tshiamiso - jaaka tirelo kwa sethabeng.
Re direla ka boikgantsho
Diteng tsa diphousetara le dibena :
Diteng tsa Phousetara 1 mmogo le bena:
Go fodisa dintho tsa bosenyi
Go direla pabalesego ya baagi
Phousetara 2:
Bosiamisi ba Kagosea - Tsibogo e e botoka mo bosenying
Go baya batswasetlhabelo kwa bogareng ba tirego ya bosiamisi ba bosenyi
Go agisanya batho ka pusetso le boitshwarelano
Phousetara 3 :
Bosiamisi ba Kagosea - Go tshola batlolamolao ba le maikarabelo mo batswasetlhabelong ka bosenyi ba bona.
Go tlisa batswasetlhabelo, batlolamolao le baagi mmogo mo go batleng ditharabololo tsa bosenyi.
Go godisa kagisano, boitshwarelano le pusetso mo go fodiseng dintho tsa bosenyi.
Thitokgang
Bosiamisi ba Kagosea - go fodisa dintho tsa bosenyi
